Setlhabi mo mpeng
| Abdominal pain | |
|---|---|
| Maina a mangwe | Stomach ache, tummy ache, belly ache, belly pain, gut ache |
| Abdominal pain can be characterized by the region it affects | |
| Specialty | General surgery |
| Types | Acute, chronic[1] |
| Causes | Common: Gastroenteritis, irritable bowel syndrome[2] Serious: Appendicitis, perforated stomach ulcer, pancreatitis, ruptured diverticulitis, ovarian torsion, volvulus, ruptured aortic aneurysm, lacerated spleen or liver, ischemic bowel[3] |
Setlhabi mo mpeng, se gape se bidiwang setlhabi sa mpa ke sekai sa go sa phuthologa gongwe le gongwe mo kgaolong ya mpa . E ka nna ya nna mo go nngwe ya mesifa e nne kgotsa mo mpeng kgotsa ya diragala ka go anama.[3] Dikai tse dingwe tse di tshwanang le go feroga sebete, go kgwa, letshololo, kgotsa go bipela di ka nna teng.[3] E ka kgaoganngwa ka botlhoko jo bo simololang ka tshoganyetso (jo bo bogale) le botlhoko jwa nako e telele (jo bo sa foleng).
Mabaka a a tlwaelegileng a akaretsa gastroenteritis le bolwetse jwa mala a a bogale.[2] Batho ba ka nnang 15% ba na le malwetse aba tshelang ka one a diphatsa thata jaaka appendicitis, bolwetse jwa senya, go thubega ga ditšhika tsa mo mpeng, ulcer ya peptic e e phunyegileng, pancreatitis, go sokologa ga mae, volvulus, ketoacidosis ya sukiri, diverticulitis ya sukiri.[2][3] Mo maseeng go tshwanetse ga akanyediwa enterocolitis e e bolayang, vulvulus, le go tsenngwa ke mala.[3] Mo nngwetharong ya dikgetsi ga go itsiwe sentle gore tota se baka eng.[3]
Temogo e ka ikaega ka ditso tsa dikai, tlhatlhobo, tiro ya madi, le ditshwantsho tsa kalafi.[3] Tlhabo ya Pelo ya ECG e ka dirwa go kgaphela kwa thoko go ema ga pelo.[3] Kalafi e ka akaretsa go tsenngwa ga diedi mo ditshikaneng le go laola botlhoko.[3] Go ikaegile ka se se bakileng seno go ka nna ga tlhokega gore motho a dirwe loaro.[3] Batho ba ka nna 10% ba ba mo lephateng la maemo a tshoganyetso ba teng ka ntlha ya botlhoko jwa mpa.[3]
Ditshupiso
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Cite error: Invalid
<ref>tag; no text was provided for refs named "Mer2020Over". - 1 2 3 Viniol A, Keunecke C, Biroga T, Stadje R, Dornieden K, Bösner S, et al. (October 2014). "Studies of the symptom abdominal pain--a systematic review and meta-analysis". Family Practice. 31 (5): 517–29. doi:10.1093/fampra/cmu036. PMID 24987023.
- 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 Patterson JW, Dominique E (14 Nov 2018). "Acute Abdomenal". StatPearls. PMID 29083722.