Jump to content

Manu Dibango

Go tswa ko Wikipedia

Emmanuel N'Djoké " Manu " Dibango (O tshotswe ka kgwedi ya Sedimonthole e le lesome le bobedi, ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mararo le boraro (1933) –G o fitlha a tlhokafala ka gwedi ya Mopitlwe e le masome a mabedi le bone, ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi (2020) [1] e ne e le seopedi le mokwadi wa dipina wa kwa Cameroon yo o neng a tshameka saxophone le vibraphone . O ne a tlhama mofuta wa mmino o o neng o kopanya mmino wa jazz, funk, le mmino wa setso wa Cameroon. Rraagwe e ne e le leloko la setlhopha sa morafe wa Yabassi, fa mmaagwe e ne e le Mo -Duala . O ne a itsege thata ka pina ya gagwe ya 1972 ya " Soul Makossa " . Pina e e ntse e kaiwa jaaka pina ya Aforika e e tserweng disampole go gaisa [2] mo godimo ga moo Dibango, ka boene, jaaka seopedi sa Aforika se se nopotsweng go gaisa mo ditsong. [3] O tlhokafetse ka ntlha ya COVID-19 ka kgwedi ya Mopitlwe e le masome a mabedi le bone, ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi (2020). [4] [5]

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Emmanuel "Manu" Dibango o tsholetswe kwa Douala, kwa Cameroon, ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mararo le boraro (1933). Rraagwe e bong Michel Manfred N’Djoké Dibango [6] e ne e le modiredipuso. Morwa wa molemimorui, o ne a kopana le mosadi wa gagwe a tsamaya ka pirogue go ya kwa a nnang teng, kwa Douala. [7]Mmaagwe Emmanuel e ne e le motlhami wa diaparo tsa feshene, a na le kgwebo ya gagwe e potlana. [8] Morafe wa gagwe, wa Ba-Douala, le wa wa Ba-Yabassi, ka bobedi ba ne ba leba kopano eno ya merafe e e farologaneng ka lenyatso le le rileng. [9] Dibango o ne a na le morwarraagwe wa bobedi fela go tswa mo lenyalong la ga rraagwe la pele, yo o neng a mo feta ka dingwaga di le nne. [10] Kwa Cameroon, lotso lwa motho lo laolwa ke rraagwe, le fa Dibango a kwadile mo bukeng ya gagwe ya botshelo, Three Kilos of Coffee, gore ga a ise a ke a "kgone go itshupa ka botlalo le ope wa batsadi ba [gagwe]". [11]

Malomaagwe Dibango e ne e le moeteledipele wa lelwapa la gagwe le le letona. Fa a tlhokafala, rraagwe Dibango o ne a gana go tsaya marapo, ka gonne ga a ise a ko a tsenye morwawe ka botlalo mo tumelong le tsamaiso ya Yabassi. Mo bongwaneng jwa gagwe jotlhe, Dibango o ne a lebala puo ya Se-Yabassi ka iketlo mme a rata puo ya Se -Douala . Le fa go ntse jalo, lelwapa la gagwe le ne le nna mo kampeng ya Yabassi mo setlhoeng sa Yabassi, gaufi le Noka ya Wouri kwa bogareng jwa Douala. [12] Fa a sa ntse a le ngwana, Dibango o ne a tsena kereke ya Porotesetanta bosigo bongwe le bongwe go ya go ithuta bodumedi, kgotsa nkouaida . O ne a itumelela go ithuta mmino koo, mme go begwa fa a ne a tshwara ka bonako.

Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mane le bongwe (1941), morago ga go rutwa kwa sekolong sa motse wa gagwe, [13] Dibango o ne a amogelwa kwa sekolong sa bokoloniale, gaufi le legae la gagwe, kwa a neng a ithuta Sefora teng. O ne a rata morutabana yoo, yo a neng a mo tlhalosa e le "motaki wa thwathwa". Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mane le bone (1944), Tautona wa Fora e bong Charles de Gaulle o ne a tlhopha sekolo seo gore se dire meletlo ya go mo amogela fa a goroga kwa Cameroon.

Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mane le borobabongwe (1949), fa a le dingwaga di le lesome le botlhano, Dibango o ne a romelwa ke batsadi ba gagwe kwa sekolong kwa Saint-Calais, kwa Fora. Morago ga moo, o ne a tsena sekolo sa lycée de Chartres, kwa a neng a ithuta go tshameka piano gone. E re ka a ne a amogelwa ke batho ba Fora koo, o ne a tlwaela setso sa lefelo leo ka bonako mme a simolola go nna mo lefatsheng eo. [14]

Morago ga go nna le mekgatlho ya jazz ya Fora makgetlo e le mmalwa, Dibango o ne a fudugela kwa Belgium, kwa talente ya gagwe e neng ya ngoka mong wa mokgatlho wa Bantou. [14] Morago ga moo o ne a tsewa ke Joseph Kabasele, yo setlhopha sa gagwe, Le Grand Kallé et l’African Jazz (Jazz ya Aforika), se neng se etelela pele phetogo ya mmino wa Congo mo Aforika. Fa a ne a le kwa motsemogolong wa Belgium wa Brussels, o ne a kopana le mosadi wa gagwe, modiragatsi wa Belgium, mmabontle le mokapaditshwantsho yo o bidiwang Marie-Josée (yo o neng a itsege e le Coco), yo a neng a mo nyala ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a matlho le bosupa (1957). [14] [15] Mmogo le Coco, Dibango o ne a nna le bana ba le bane: Georgia (1969-2023), Michel, Marva, le James BKS (yo o tshotsweng ka 1982). [16]

Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a matlhano le borobabongwe (1959), Kabasele o ne a gatisa pina ya Aforika yotlhe ya " Independence Cha Cha " mme a mo laletsa kwa motsemogolo wa Congo wa Léopoldville (Kinshasa ya gompieno) go bereka mmogo. Morago ga moo Dibango o ne a nna leloko la African Jazz mme a dirisana le diopedi tse dingwe tse dintsi, go akaretsa le Fania All Stars, Fela Kuti, Herbie Hancock, Bill Laswell, Bernie Worrell, Ladysmith Black Mambazo, King Sunny Adé, Don Cherry, le Sly le Robbie . O fitlheletse balatedi ba bantsi kwa UK ka pina e e tumileng ya disco e e bidiwang "Big Blow", e e neng ya gololwa la ntlha ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le borataro (1976) mme ya tlhakanngwa gape jaaka pina ya 12 inches (300 mm) e le nngwe ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le borobabobedi (1978) mo Direkoto tsa Setlhaketlhake. Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabobedi (1998), o ne a rekota alebamo ya CubAfrica le motaki wa Cuba e bong Eliades Ochoa . Kwa kabong dietsele ya 16th Annual Grammy Awards ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le bone (1974), Dibango o ne a tlhophiwa mo karolong ya Best R&B Instrumental Performance le Best Instrumental Composition tsa "Soul Makossa". [17]

Mafoko a pina ya " Soul Makossa " mo alebamong ya leina le le tshwanang a na le lefoko " makossa ", le le kayang mofuta wa mmino wa toropo wa Cameroon mme le raya gore" (ke) a bina" ka puo ya gaabo Dibango, puo ya Cameroon Duala . Pina eno e tlhotlheleditse dipina tse di tumileng tsa mmino, go akaretsa le " Jungle Boogie " ya ga Kool and Gang . [18]

Kwa Canada, dipina tse dingwe tse pedi di ne tsa nna mo ditshupetsong tsa AC . "Pepe Soup" e ne e le ya bo masome a mararo le boraro ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le bone (1974) mme "Ashiko Go" e ne e le ya bo masome a mabedi le bongwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le botlhano (1975). [19] [20] Mosadi wa gagwe Coco o ne a tlhokafala ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le botlhano (1995); fa a ntse a na le bothata jwa go fenya tatlhegelo ya se a neng a se tsaya e le "Guardian Angel" ya gagwe e a e ratang thata, [16] Dibango o ne a golola alebamo ya gagwe ya bodumedi ya Lamastabastani ka one ngwaga oo, e a reng e tlhotlheleditswe thata ke moswi Coco. [15]

O ne a nna modulasetilo wa ntlha wa Koporase ya Mmino ya Cameroon, yo o nang le maemo a a kwa godimo mo dikganetsanong tsa dituelo tsa bataki . Dibango o tlhomilwe go nna motaki wa UNESCO Artis for Peace ka ngwaga wa dikete tse pedi le bone (2004). [21]

Pina ya gagwe ya "Reggae Makossa" e mo pineng ya motshameko wa bidio wa 2006 wa Scarface: The World Is Yours . Ka kgwedi ya Phatwe, ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe (2009), o ne a tshameka konsarata ya go tswala kwa Moletlong wa Jazz wa Brecon o o neng wa tsosolosiwa.

Pina ya gagwe ya "New Bell" e tlhagelela mo pineng ya motshameko wa bidio wa 2008 wa Grand Theft Auto IV mo letshwaong la radio la International Funk 99 .

Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bobedi (1982), Michael Jackson o ne a dirisa "Ma-se, ma-ma-ma, ma-kossa" go tswa mo pineng ya ga Dibango ya ngwaga wa sekete, amkgolo a robabongwe le masome a supa le bobedi (1972) ya "Soul Makossa", kwantle ga tetla ya gagwe le kwantle ga go akgolwa, mo pineng ya gagwe ya ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le boraro (1983) ya " Wanna Be Startin' Somethin' " go tswa mo alebamong ya gagwe e e tumileng ya 1982 ya Thriller . Fa Dibango a lemoga, o ne a akanyetsa go sekisa megastar, mme Jackson o ne a itlhaganelela go dumela gore o adimile mola mme kgang ya rarabololwa kwa ntle ga kgotlatshekelo.

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le bosupa (2007), Rihanna o ne a lekeletsa modumo o tshwanang go tswa mo pineng ya ga Jackson mo pineng ya gagwe ya " Don't Stop the Music " mme a se ka a akgola Dibango. Fa Rihanna a ne a kopile Jackson tetla ya go dira tekeletso ya mola, go bolelwa fa a ne a amogela kopo eo ntle le go ikgolaganya le Dibango pele ga nako. Ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe (2009), Dibango o ne a sekisa diopedi tse ka bobedi. Babueledi ba ga Dibango ba ne ba isa kgetse kwa kgotlatshekelong kwa Paris, ba batla €500,000 ya ditshenyegelo le go kopa gore Sony BMG, EMI le Warner Music di "thibelwe go amogela letseno le le amanang le 'mama-se mama-sa' go fitlha kgang e rarabololwa". [22] Moatlhodi o ne a atlhola gore kopo ya ga Dibango e ne e sa amogelesege: ngwaga pele ga foo, moatlhodi yo o farologaneng wa kgaolo ya Paris o ne a batla gore Universal Music e akaretse leina la ga Dibango mo dintlheng tsa ditokololo tsa mo isagong tsa Sefora tsa "Don't Stop the Music", mme, ka nako ya fa Dibango a ne a tlhagelela kwa kgotlatshekelo, tshwanelo ya go batla ditshenyegelo tse dingwe. [23] [24]

Ka kgwedi ya Phukwi, ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone( 2014), o ne a dira konsarata ya letsatsi la matsalo a gagwe la bo masome a robabobedi kwa Olympia kwa Paris [25] e e neng ya gasiwa ke TV5Monde.

Ka kgwedi ya Lwetse e robabobedi, ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le botlhano (2015), Michaëlle Jean, Mokwaledi mogolo wa Mokgatlho wa Organisation Internationale de la Francophonie, o ne a tlotla Manu Dibango ka maemo a Mofenyi yo Mogolo wa Puo ya Sefora mo Diolimpiking tse Pedi le tsa Banalebogole tsa Rio 2016.

On 24 March 2020, Dibango died from COVID-19 in Melun near Paris, France. The news of his death was confirmed by his family via social media (Twitter). In response, many musicians and fans praised him as a musician and composer. He was 86 years old.[26][27]

Tsa Mmino

[fetola | Fetola Motswedi]

Jaaka Mogolwane

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Saxy-Party (Mercury, 1969)
  • Manu Dibango (Fiesta, 1971)
  • Africadelic (Mondiophone, 1972)
  • Soul Makossa (Fiesta, 1972)
  • O Boso (Fiesta, 1972)
  • African Voodoo (PSI, 1972)
  • Makossa Man (Fiesta, 1973)
  • Super Kumba (Fiesta, 1974)
  • Countdown at Kusini (D.S.T., 1975)
  • Afrovision (Fiesta, 1976)
  • Manu 76 (Fiesta, 1976)
  • Bande Originale du Film Ceddo (Fiesta, 1977)
  • A L'Olympia (Fiesta, 1977)
  • L'Herbe Sauvage (Fiesta 1977)
  • Anniversaire Au Pays (Fiesta, 1978)
  • Le Prix De La Liberte (Fiesta, 1978)
  • Home Made (Fiesta, 1979)
  • Gone Clear (CRC, 1980)
  • Piano Solo Melodies Africaines Vol. 1 (AfroVision, 1981)
  • Ambassador (CRC, 1981)
  • Waka Juju (CRC, 1982)
  • Mboa (AfroVision, 1982)
  • Soft and Sweet (Garima, 1983)
  • Deliverance Live in Douala (AfroVision, 1983)
  • Surtension (Garima, 1984)
  • Melodies Africaines Vol. 2 (AfroVision, 1984)
  • L'Aventure Ambigue (Carrere, 1984)
  • Electric Africa (Celluloid, 1985)
  • Manu Invite... Akofa Akoussah Au Togo (Blackspot, 1983)
  • Afrijazzy (Soul Paris, 1986)
  • La Fete a Manu (Buda Musique, 1988)
  • Negropolitaines Vol. 1 (Soul Paris, 1989)
  • Comment Faire L'Amour Avec Un Negre Sans Se Fatiguer (Milan, 1989)
  • Polysonik (Fnac Music, 1990)
  • Live '91 (Fnac Music, 1991)
  • Bao Bao (Mau Mau, 1992)
  • Wakafrika (Fnac Music, 1994)
  • Lamastabastani (Soul Paris, 1995)
  • Negropolitaines Vol. 2 (Soul Paris, 1995)
  • Papa Groove Live 96 (Wotre Music, 1996)
  • CubAfrica (Melodie, 1998)
  • Manu Safari (Wagram, 1998)
  • Mboa' Su Kamer Feeling (JPS, 2000)
  • Spirituals (Bayard Musique, 2000)
  • Kamer Feeling (JPS, 2001)
  • From Africa (Blue Moon, 2003)
  • Homage to New Orleans (Goya, 2007)
  • Lion of Africa (Global Mix, 2007)
  • Past Present Future (BorderBlaster, 2011)
  • Ballad Emotion (Konga Music, 2011)
  • Balade en Saxo (EGT, 2014)

Tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  • African Soul - The Very Best Of Manu Dibango (1997)
  • Anthology (2000)
  • Africadelic - The Best Of Manu Dibango (2003)
  • The Rough Guide To Manu Dibango (2004)

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. ↑ "Le saxophoniste Manu Dibango est mort des suites du Covid-19, annoncent ses proches". 24 March 2020. https://www.lemonde.fr/disparitions/article/2020/03/24/le-saxophoniste-manu-dibango-est-mort-des-suites-du-covid-19-annoncent-ses-proches_6034197_3382.html.
  2. ↑ Durosomo, Damola (8 May 2020). "This video explores the countless songs that sample Manu Dibango's 'Soul Makossa'". Okay Africa. Archived from the original on 14 May 2020. Retrieved 13 December 2023.
  3. ↑ Seiboko, Refiloe (1 July 2020). "The Cameroonian rhythm that set the world on fire". https://mg.co.za/africa/2020-07-01-the-cameroonian-rhythm-that-set-the-world-on-fire/.
  4. ↑ Beaumont-Thomas, Ben (24 March 2020). "Manu Dibango, Cameroon jazz-funk star, dies aged 86 of coronavirus". The Guardian. Retrieved 5 May 2020.
  5. ↑ Monroe, Jazz (24 March 2020). "Afro-Jazz Star Manu Dibango Dead at 86". Pitchfork. Retrieved 24 March 2020.
  6. ↑ Tempolete:Harvnb
  7. ↑ Tempolete:Harvnb
  8. ↑ Tempolete:Harvnb
  9. ↑ Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named "Dibango1".
  10. ↑ Tempolete:Harvnb
  11. ↑ Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named "Dibango2".
  12. ↑ Tempolete:Harvnb
  13. ↑ "Biography – Manu Dibango", Radio France Internationale, 2007, archived from the original on 6 September 2008, https://web.archive.org/web/20080906180726/http://www.rfimusique.com/siteEN/biographie/biographie_6095.asp, retrieved 9 September 2008
  14. 1 2 3 Ewens, Graeme (24 March 2020). "Manu Dibango obituary". The Guardian. https://www.theguardian.com/music/2020/mar/24/manu-dibango-obituary.
  15. 1 2 Ketch, Arol (14 July 2025). "Il y a 30 ans nous quittait Coco, le grand amour de Manu Dibango". CamerounWeb. https://www.camerounweb.com/CameroonHomePage/features/Il-y-a-30-ans-nous-quittait-Coco-le-grand-amour-de-Manu-Dibango-784109.
  16. 1 2 Normandie, Lise (30 March 2021). "Manu Dibango : Son héritage non-réglé, ses enfants s'opposent un an après sa mort". Purepeople. https://www.purepeople.com/article/manu-dibango-son-heritage-non-regle-ses-enfants-s-opposent-un-an-apres-sa-mort_a430199/1.
  17. ↑ "Manu Dibango". Retrieved 24 March 2020.
  18. ↑ Hamilton, Andrew. "Wild and Peaceful - Kool & the Gang". Allmusic. Retrieved 16 January 2020.
  19. ↑ "RPM Top 50 AC Singles - June 1, 1974" (PDF).
  20. ↑ "RPM Top 50 AC Singles - March 1, 1975" (PDF).
  21. ↑ Ernest Kanjo, "We Want Bread! Cameroonian musicians seem to have lost their creative acumen in their endless battles over money", Post Newsmagazine, September 2006, accessed at "Post newsmagazine". Archived from the original on 26 March 2007. Retrieved 5 April 2007. 5 April 2007.
  22. ↑ Michaels, Sean (4 February 2009). "Rihanna and Michael Jackson sued by African singer". The Guardian. https://www.theguardian.com/music/2009/feb/04/rihanna-michael-jackson-manu-dibango?INTCMP=SRCH.
  23. ↑ Lavaine, Bertrand (18 February 2009). "Dibango recalé face à Jackson et Rihanna". http://musique.rfi.fr/musique/20090218-dibango-recale-face-jackson-rihanna.
  24. ↑ "L'action de Manu Dibango contre Michael Jackson et Rihanna irrecevable". La Presse. 18 February 2009. http://www.lapresse.ca/arts/vie-de-stars/200902/18/01-828531-laction-de-manu-dibango-contre-michael-jackson-et-rihanna-irrecevable.php.
  25. ↑ J., Caroline (24 February 2014). "Manu Dibango en concert à l'Olympia de Paris pour ses 80 ans". Sortiraparis.com (in Se Fora). Retrieved 14 April 2020.
  26. ↑ Bossi, Andrea. "Lost To COVID-19, African Jazz Icon Manu Dibango Passes Away At 86". Forbes (in Sekgoa). Retrieved 8 July 2024.
  27. ↑ Afrique, Jeune (24 March 2020). "Cameroonian saxophonist Manu Dibango dies of coronavirus". theafricareport.